Acts 1

Jesu o tlhatlogela legodimong

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 1:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 1:1-2.
Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo.
3Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo.

4Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone.

5Mme a ba gakolola gore “Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang”.

6Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, “Morena a o ya go golola Iseraele [mo go Roma] jaanong o bo o re dira chaba e e gololesegileng?”

7Mme a fetola a re, “Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone. 8Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.”

9Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo. 10Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone, 11mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!”

12Ba ne ba le kwa Thabeng Lotlhware fa se se diragala, jaanong ba boela kwa morago ba tsamaya sephatlo sa mmaele go boela kwa Jerusalema. 13
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 1:14.
14
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 1:13-14.
Mme ba tshwara thapelo mo ntlwanenge e kwa godimo e ba neng ba nna mo go yone. A ke maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong ya thapelo. Petere, Johane, Jakobe Anderea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe, le bomorwa rraagwe Jesu, ba le setlhophanyana le mmaagwe Jesu, ba ne ba le teng.

Go tlhopiwa ga ga Mathaise

15Phuthego e ya thapelo e ne ya tswelela ka malatsi a le mantsi. Mme ya re ka nako eo, mo letsatsing leo fa go ne go na le batho ba ka nna lekgolo le masome a mabedi, Petere o ne a ema ka dinao mme a ba raya a re:

16“Bakaulengwe, go ne go tlhokega gore dikwalo di diragadiwe mabapi le Jutase yo o okileng Jesu ka go supegetsa bontsintsi jwa batho kwa a leng teng, gonne selo se, se sale se boletswe pele bogologolo ka Mowa O O Boitshepo o bua ka Kgosi Dafide.

17“Jutase e ne e le mongwe wa rona a tlhophilwe go nna morutwa fela jaaka rona. 18O ne a reka setsha sa lefatshe ka madi a o a amogetseng ka go loga maano a boithamako mme a wela fa fatshe a phanyega ka bogare mme mala a gagwe a gorometsegela kwa ntle. 19Dikgang tsa loso lwa gagwe di ne tsa anama ka bofefo mo bathong ba Jerusalema, jalo ba bitsa setsha seo Lefatshe la Madi.!

20“Polelelo-pele ya ga Kgosi Dafide ka ga se, e bonwa mo lokwalong lwa Dipesalema mo a reng, ‘A motse wa gagwe o senngwe o seka wa nnwa ke ope.’ Gape, ‘A tiro ya gagwe e neelwe o sele go e dira.’

21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 1:22.
22
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 1:21-22.
“Mme jaanong re tshwanetse go tlhopha mongwe yo o ka tsayang maemo a ga Jutase, le go re tlatsa re le basupi ba tsogo ya ga Jesu. A re tlhopheng mongwe yo o saleng a nna le rona go simolola fa re tsalana le Morena, go tloga ka nako e o neng a kolobediwa ke Johane go fitlhelela a tseelwa kwa legodimong.”

23Phuthego e ne ya tlhopha maina a banna ba le babedi: Jusefa Justiso (yo gape a itsegeng ka leina la Barenabase) le Mathiase. 24
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 1:25.
25
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 1:24-25.
Jalo ba rapela gore ba tlhope monna yo o tshwanetseng, ba re, “O! Morena, o itse pelo nngwe le nngwe re bontshe gore ke ofe wa banna ba yo wena o mo kgethileng gore a nne moaposetoloi, yo o ileng kwa mannong a a mo tshwanetseng.”.

26Jalo ba laola ka bola mme ya re ba gasa bola jwa supa Mathiase, jalo a kgethwa go nna mongwe wa ba ba lesome le motso.
Copyright information for TsnLEF